Kelebogile Kgetse o buisana le moeteledipele wa mokgatlho wa baagi - Progressive Forces of South Africa - Bonang Sepoloane.
Tona wa merero ya selegae - Leon Schriber a re ba atolositse letlha gore baagi ba nne le seabe mo go fetolweng ga melao e e malebana le baditshaba - Draft Revised White Paper on Citizenship, Immigration and Refugee Protection. Baagi ba ka nna le se seabe ka go romela ditshitshinyo tsa bona go fitlha kgwedi e tlang e le malatsi a le lesome le borataro malebana le go fetolwa ga melao e amang merero e akaretsa batho ba ba letleletsweng go nna baagi ba Afrika Borwa go ya ka molao, baditshaba ba ba fudugelang mo nageng le baditshaba ba ba leng mo nageng ka ntlha ya ntwa le dikgotlhang kwa dinageng tsa bona.

MOTSWEDING FM: ITLHABE BOTLHALE: Puisano le Gogo Dikeledi Letsholo.
04:20

MOTSWEDING FM: ITLHABE BOTLHALE: Puisano le Locious Bodibeo tswa kwa Motor Industry Ombudsman.
08:14

MOTSWEDING FM-ITLHABE BOTLHALE: Puisano le Tumi Photesh Nong.
05:26