Kelebogile Kgetse o buisana le sebueledi sa bosetshaba sa ba lekoko la Democratic Alliance -DA, Karabo Khakhau.
Baeteledipele ba lekoko la Democratic Alliance, DA ba dirile kopo kwa kgotlhatshekelo gore President Cyril Ramaphosa, a neele baagi pegelo e e malebana le batho ba ba neng ba dirile kopo ya go thapiwa go nna mookamedi wa ba bosekise ba bosetshaba, NPA. Beke e fetileng, President Ramaphosa o itsisitse fa a thapa Mookamedi wa lephata la dipatlisiso la SIU, Advocate Andy Mothibi go nna Mookamedi wa bosetshaba wa ba NPA. Seno se latela gore maloko a panel e neng e tlhamilwe ke Ramaphosa ba mo neele pegelo ya gore ga gona motho ope yo o maleba go ka thapiwa go nna mookamedi wa NPA mo bathong ba ba neng ba ba botsolotsa. Ke batho ba le barataro ba ba neng ba botsolotswa bao ba dirileng kopo ya go thapiwa mo maemong a go nna mookamedi wa NPA. Paka ya mookamedi wa ga jaana wa bosetshaba wa NPA, Shamila Batohi, e khutla kgwedi eno.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Re buisana le moitseanape mo mererong ya continent ya Africa go tswa kwa UNISA - Advocate Sipho Mantula.
07:12

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Re buisana le mokwaledi wa mokgatlho wa badiri ba masepala wa SAMWU mo province ya North West, Vincent Diphoko.
04:38

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano le malebana le go tlogela go nna leloko la lekoko la Democratic Alliance, DA ga Dion George.
04:00