Baeteledipele ba Federation ya mekgatlho ya badiri - SAFTU, ba re ba tshwengwa ke go sa somarelwa ga ditshwanelo tsa badiri go ya ka molao o o malebane le democracy. Seno se latela ditshitshinyo tsa ba-nni-le-seabe mo dipuisanong tsa dingwaga di le tharo kwa Nedlac, tsa go seka-seka gore melao ya badiri e ka fetolwa jang go nna maleba mo nakong ya jaanong. Baeteledipele ba SAFTU ga ba dumelane le gore melao e fetolwa gonne ba re go tla nna bonolo gore batsamaise le beng ba kobe badiri mo tirong. Maloko a mekgatlho ya SAFTU a gwantetse kwa dikantoro tsa Nedlac kwa Rosebank, go neela ka memorandum wa dingongorego tsa bona tebang le ditshitshinyo tseno.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le kgonagalo ya gore dithoto tsa Post Office di rekisiwe ka tsamaiso ya Liquidation
05:34

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le go oketsega ga palo ya badiri ba ba naleng mathata a gambling mo Afrika Borwa
04:01

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20