Batsamaise ba masepala wa Moretele mo province ya North West ba abetse ba malapa a humanegileng kwa masepaleng oo dilo tse ba di tlhokang mo pakeng eno ya malatsi a bofelo jwa ngwaga jaaka dijo. Seno ke lenaane la go abela ba ba humanegileng le le tshwaraganetsweng ke bathati ba puso ya China le ba Afrika Borwa. Ba ba neng ba tsene tiragalo eno ke tona wa go tlhabololwa ga matshelo a baagi, Sisisi Tolashe, tonakgolo wa North West, Lazarus Mokgosi le Mayor wa Moretele, George Manyike. Ke malapa a feta sekete kgolo a matlhano gotswa kwa metseng e farologaneng kwa mmasepaleng wa Moretele ba ba ungwetseng mo lenaaneng leno.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Re buisana le sebueledi sa bosetshaba sa Federation ya mekgatlho ya badiri, COSATU, Zanele Sabela
04:00

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Re buisana le leloko la Committee ya Parliament e e ka ga merero ya thuto Tshepo Louw.
07:33

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano le ba mokgatlho wa badiri ba puso, PSA malebana le go dirwa ga lifestyle audit mo badiring ba puso
15:10