Baeteledipele ba makoko a dipolitiki, ba mekgatlho ya baagi, baitseanape mo go tsa tshireletso le dipolitiki, go akaretsa le baagi, ba re ba swabisiwa ke go diega ga go simolola ka tiro ga maloko a Madlanga Commission. Maloko a Madlang Commission a tla batlisisa dipego tse di dirilweng ke commissioner wa mapodise kwa KwaZulu Natal Lieutenant General Nhlanhla Mkhwanazi. Mkhwanazi a re go batlhankela ba bagolo ba mapodise ba ba dirisanang le digongwana tsa disenyi le go kgoreletsa mapodise go dira tiro ya bona. Modulasetilo wa commission, Mbuyiseli Madlanga a re tiro ya bona e tla diega ka ntlha ya fa bathati ba lefapha la bosiamise ba ise ba fitlhelele didiriswa tse di tlhokegang gore ba simolola ka tiro ya bona.

MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano malebana le tekanyetso ya ba di-Early Childhood Development Centres.
07:56

MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano malebana le dipatlisiso tsa ba University of Free State ka ga di-chemical tse di leng mo di-sanitary pad le di-panty liner
06:20

MOTSWEDING FM-ITLHABE BOTLHALE: Puisano le Owen Ntlemo
28:21