Maloko a South African National Aids Council, SANAC ba re go go fedisa go tshwaetsega ga batho ka HIV mo dingwageng di le tlhano tse di tlang, go botlhokwa gore batho ba ba tshwaeditsweng ke HIV ga jaana ba neelwe thuso ya ba molao fa ditshwanelo tsa bona di sa somarelwe. Maloko a SANAC a nnile le seabe mo kopanong ya go buisana ka botlhokwa ba go somarelwa ga ditshwanelo tsa batho ba ba tshwaeditsweng ke HIV. Go ya ka dipalo tsa ba mokgatlho wa Tembisa Project tsa ngwaga o fetileng, ke batho ba feta di-million di le robedi ba ba tshwaeditsweng ka HIV mo nageng. Go tswa mo palong eo ya batho ba ba tshwaetsegileng, ke ba feta di-million di le thataro fela ba ba amogelang melemo ya HIV.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le mathata a kwa di-masepaleng tsa Free State.
12:04

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go okediwa ga tlhwatlhwa ya motlakase.
03:02

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le Exit Vetting mo lephateng la mapodise.
04:35