Baeteledipele ba mokgatlho wa beng ba dikgwebo tse dinnye ba bantsho, Black Entrepreneurs Alliance, ba re go tlhaselwa ga beng ba dikgwebo tsa di-spaza shop go tla ama economy ya naga. Beng ba di-spaza shop ba e leng baagi ba Afrika Borwa ba re baditshaba ba ba batla go ba tlhasela. Mapodise a tsweletse ka dipatlisiso tebang le tiragalo ya go fisiwa ga spaza shop kwa kgaolong ya Orange Farm gaufi le Johannesburg. Mong wa spaza shop moditshaba mongwe o kile a mo tshosetsa malebana le go dira kgwebo gagagwe, pele ga tiragalo eo. Kwa kgaolong ya Dobsonville, mong wa spaza shop a re moditshaba o ne mo laetse gore a emise go dira kgwebo.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le kgonagalo ya gore dithoto tsa Post Office di rekisiwe ka tsamaiso ya Liquidation
05:34

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le go oketsega ga palo ya badiri ba ba naleng mathata a gambling mo Afrika Borwa
04:01

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20