Motsweding FM - Dikgang Tsa SeshengMotsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano le mookamedi mo lephateng la go thibela go tshwaetsega ka HIV kwa South African National Aids Council, SANAC, Thato Farirai.

View descriptionShare

Moitsanape mo lephateng la dipatlisiso mo mererong ya boitekanelo kwa Wits University - Professor Xavier Gómez-Olivé a re manaane a go rotloetsa batho go dira diteko tsa HIV le go nwa melemo ya bona, a totile thata basha, le mororo batho ba le bantsi ba ba tshwaetsegang ka HIV e le ba ba naleng dingwaga tse di fetileng masome a matlhano. Professor Gómez-Olivé a re go ya ka dipatlisiso tse ba di dirileng ke batho ba feta di-percent di le masome a mabedi le botlhano ba naleng dingwaga di feta masome a matlhano, mo continent ya Africa, bao ba tlabong ba tshwaetsegile ka HIV mo dingwageng di le lesome le botlhano tse di tlang. A re batho ba le bantsi ba ba naleng dingwaga di feta di le masome a matlhano, ba ba tshwaetsegileng ga jaana ga ba na tshedimosetso e lekaneng ka HIV. A re batho ba ba amegang thata ke bao ba humanegileng le batlholagadi.

  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 2 playlist(s)

Motsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

Dikgang Tsa Sesheng. Brought to you by SABC News
Social links
Recent clips
Browse 2,069 clip(s)