Ba-nni le seabe ba ba farologaneng mo lephateng la thuto ba nale maikutlo a farologaneng tebang le melawana e Tona wa thuto Siviwe Gwarube a reng e tshwanetse e dirisiwe tebang le molao wa thuto wa BELA. Tona Gwarube o rometse melawana eno go bakhuduthamaga le baokamedi ba mafapha a thuto go ralala naga beke e fetileng. Melawana eo e akaretsa gore batsadi le baagi ba seka-seke puo e e dirisiwang kwa dikolong le go kwadisiwa ga barutwana. President Cyril Ramaphosa o signile molao wa BELA ngwaga e fetileng. Go ntse go ngangisanwa thata ka dintlha tse di ka ga puo e tshwanetseng ya dirisiwang kwa dikolong, tsamaiso ya go kwadisiwa ga barutwana le tshwanelo ya maloko a kgotla a a tsamaisang merero ya dikolo, di-SGB.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le mathata a setlamo sa Post Office
04:52

MOTSWEDING: BORESETSE: Puisano malebana le go oketsega ga ditiragalo tsa go phasaladiwa ga ditshwantsho le di-video tsa bana, tse di golaganngwa le thobalano, mo metsweding ya Social Media.
03:58

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le ditiragalo tsa go tsewa ga batho ka dikgoka kwa province ya Gauteng.
15:23