Baeteledipele ba mokgatlho wa barutabana - SADTU, ba re bathati ba lefapha la thuto ba tshwanetse go netefatsa gore barutwana botlhe ba kwadisiwa kwa dikolong tsa puso pele go simololwa ka dithuto mo di-province tsotlhe kamoso. Baeteledipele ba SADTU ba re go nale meago ya dikolo e e sa dirisiweng, e bathati ba lefapha ba ka netefatsang gore e a dirisiwa ngwaga ono. Kgabagare, Tona wa thuto Siviwe Gwarube, a re ke barutwana ba le dikete di feta masome a mabedi ba ba iseng ba kwadisiwe kwa dikolong tsa puso, kwa di-province di akaretsa Gauteng, Mpumalanga, Western Cape le Limpopo. Gwarube a re seno ke gonne palo ya barutwana e oketsega ngwaga le ngwaga.