Mokwaledi wa bosetshaba wa lekoko la ANC, Fikile Mbalula a re ba swabisiwa ke gore president wa lekoko la uMkhonto weSizwe, Jacob Zuma o tshegetsa bathati ba puso ya Morocco ba ba sa batleng baagi ba kgaolo ya Western Sahara ba ikemela. Ke dingwaga di ka nna some a matlhano bathati ba naga ya Morocco ba tsamaisa kgaolo ya Western Sahara. Zuma o ne a etetse kwa Morocco beke e fetileng, go kopana le bathati ba puso ya Morocco. Mbalula a re Zuma ga a tshepagale ka fa a itse gore fa a ne a santse e le leloko la lekoko la ANC, ba ne ba tshegetsa baagi ba kgaolo ya Western Sahara. Kgabagare baeteledipele ba ANC ba kgatlhanong le gore ba bone flaga ya Afrika Borwa mo ditshwantsong tsa ga Zuma fa a le kwa kopanong le bathati ba puso ya Morocco.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le kgonagalo ya gore dithoto tsa Post Office di rekisiwe ka tsamaiso ya Liquidation
05:34

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le go oketsega ga palo ya badiri ba ba naleng mathata a gambling mo Afrika Borwa
04:01

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20