Sebueledi kwa White House kwa nageng ya America - Abigail Jackson, a re molawana o President Donald Trump a o saenileng go sa le gale wa go iletsa baagi ba dinaga dingwe tsa continent ya Africa le ba dinaga tsa continent ya Asia go ya kwa America, o totile go sireletsa baagi ba America. Go ya ka molawana ono baagi ba kwa dinageng di le lesome le bobedi di akaretsa - Afghanistan,Congo, Iran, Somalia, ba tla iletswa go tsena kwa America. Baagi ba dinaga di le supa di akaretsa - Burundi, Cuba, Sierra Leone, Venezuela, ba tla ilediwa ka bontlha bongwe go tsena kwa America. Molawana ono o simolola go dira beke e tlang mantaga.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le boikuelo jwa gore molao wa go fudisiwa ga batho e se go ya ka molao, Prevention of Illegal Eviction Act o fetolwe.
14:05

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go phimolwa ga molato wa go bolaya kgatlhanong le mogwebi Brown Mogotsi
04:50

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le bonweenwee ba kwa lefapha la merero ya selegae
06:18