Bathati ba puso ya province ya Free State ba re ba tlile go dira boikuelo kgatlhanong le katlholo ya moatlhodi wa kgotlhatshekelo e kgolo ya Free State - Johannes Daffue. Moatlhodi o atlhotse gore bathati ba puso ba phatlhalatse kgotla ya masepala wa Ngwathe le gore bathati ba puso ya province ba thape motlhankela yo tla tsamaisang merero ya masepala nakwana, administrator. Baeteledipele ba mokgatlho wa baagi - Afri Forum, ba ne ba tlhatlhela kopo kwa kgotlhatshekelo, ya gore bathati ba puso ya province ba thuse go rarabolola mathata a ka ga go tsamaisiwa ga masepala wa Ngwathe. Moatlhodi Daffue a re maloko a kgotla ya masepala ba reteletswe ke go dira tiro ya bona go ya ka molaotheo, le gore ba reteletswe go somarela ditshwanelo tsa baagi ka fa ba retelelwa ke go neela baagi ditirelo ka tshwanelo.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le ditiragalo tsa go tsewa ga batho ka dikgoka kwa province ya Gauteng.
15:23

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano tebang le puo ya ga Tonakgolo Panyaza Lesufi ya State Of the Province Address - SOPA
06:22

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le mathata a kwa di-masepaleng tsa Free State.
12:04