Tona wa temothuo, John Steenhuisen a re go tshwanetse ga buisanwa ka bonako le bathati ba puso ya America tebang le lekgetho la dithoto tse bagwebi ba Afrika Borwa ba di romelang kwa nageng ya America. President wa America, Donald Trump o itsisitse fa go tla duelwa lekgetho la di-percent di le some-a-mararo la dithoto tse bagwebi ba Afrika Borwa ba di romelang kwa nageng ya America. Kgabagare President Cyril Ramaphosa a re president Trump ga a dirisa tshedimosetso e siameng ya kgwebo pele a swetsa gore bagwebi ba mo Afrika Borwa ba duele lekgetho la dipercent di le masome a mararo la dithoto tse ba di romelang kwa nageng eo. Sebueledi sa ga president Ramaphosa, Vincent Magwenya a re bagwebi ba kwa America ba duela lekgetho la di-percent di le 7-point-6 la dithoto dingwe tse ba di romelang mo Afrika Borwa fa mo go tse dingwe ba sa duele sepe.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le Zero Tolerance Corruption Bill.
14:47

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le barutwana ba ba tsubang di-fire extinguisher kwa dikolong.
04:15

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le kgonagalo ya gore dithoto tsa Post Office di rekisiwe ka tsamaiso ya Liquidation
05:34