President wa league ya basha ya lekoko la ANC, Collen Malatji a re baagi ga ba tlhole ba tshepa baeteledipele ba lekoko la ANC. Malatjie a re baagi ba golaganya baeteledipele ba lekoko le ditiragalo tsa bonweenwee le bosenyi. Malatji o ne a bua go sa le gale kwa kopanong ya bona ya - President's Jazz Hour kwa East London, kwa province ya Eastern Cape. Malatji a re maloko a lekoko la ANC ga a tshwanela go tswelela go tlhopa ba baeteledipele lekoko ba ba golagangwang le ditiragalo tsa bosenyi le maitsholo aa sa siamang.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go okediwa ga tlhwatlhwa ya diesel e se go ya ka molao.
04:27

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go oketsega ga tlhwatlhwa ya petrol le diesel.
12:31

MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano malebana le maano a ba Border Management Authority a go samagana le go tsena le go tswa ga batho kwa melelwaneng ya naga, ka paka ya malatsi a paseka.
07:18