President Cyril Ramaphosa a re o kgotsofalela ka moo kopano ya gagwe le president wa America, Donald Trump e tsamaileng ka teng. Ramaphosa o ne a buisana le President Trump ka merero e farologaneng e e akaretsang ya kgwebo le go dirisana ga bona. President Trump o boleletse President Ramaphosa gore o tshwengwa ke dipego tsa go bolawa ga basweu mo Afrika Borwa. Trump o ne a tshameka video e mo go yona moeteledipele wa lekoko la Economic Freedom Fighters-EFF, Julius Malema, a opelang pina e e neng e opelwa ka nako ya go nna kgatlhanong le tsamaiso ya puso ya tlhaolele ya 'Kill The Boer'. Trump a re seno sesupa fa baagi ba morafe wa Ma-Afrikaner ba sa tsholwa sentle mo Afrika Borwa, ba tseelwa mafatshe ka dikgoka le go bolawa.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le kgonagalo ya gore dithoto tsa Post Office di rekisiwe ka tsamaiso ya Liquidation
05:34

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le go oketsega ga palo ya badiri ba ba naleng mathata a gambling mo Afrika Borwa
04:01

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20