Motsweding FM - Dikgang Tsa SeshengMotsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano le moitseanape wa dipolitiki Kenneth Mokgatlhe.

View descriptionShare

Motsweding fm - Dikgang Tsa Sesheng

test1
1,578 clip(s)
Loading playlist

President Cyril Ramaphosa a re o kgotsofalela ka moo kopano ya gagwe le president wa America, Donald Trump e tsamaileng ka teng. Ramaphosa o ne a buisana le President Trump ka merero e farologaneng e e akaretsang ya kgwebo le go dirisana ga bona. President Trump o boleletse President Ramaphosa gore o tshwengwa ke dipego tsa go bolawa ga basweu mo Afrika Borwa.  Trump o ne a tshameka video e mo go yona moeteledipele wa lekoko la Economic Freedom Fighters-EFF, Julius Malema, a opelang pina e e neng e opelwa ka nako ya go nna kgatlhanong le tsamaiso ya puso ya tlhaolele  ya 'Kill The Boer'. Trump a re seno sesupa fa baagi ba morafe wa Ma-Afrikaner ba sa tsholwa sentle mo Afrika Borwa, ba tseelwa mafatshe ka dikgoka le go bolawa.  

  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 2 playlist(s)

Motsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

Dikgang Tsa Sesheng. Brought to you by SABC News
Social links
Recent clips
Browse 2,063 clip(s)