Batsamaisi ba Government Employees Pension Fund(GEPF) ba re madi a pension a badiri ba puso a ka se amege go latela dipego tsa sesheng tsa bonweenwee kwa setheo sa puso sa Government Pensions Administration Agency, GPAA. Baeteledipele ba mekgatlho ya badiri ba re ba tshwenyegile ka go tsamaisiwa ga setheo sa GPAA, go latela pegelo ya borunyi ya ba Abacwaningi Business Solution Audit & Advisory Services. Go ya ka pegelo eo, batsamaisi ba setheo sa GPAA ga ba dirise matlole sentle. Tona wa matlole, Enoch Godongwana o sekegile motlhankela mokhuduthamaga yo mogolo wa GPAA, Kedibone Madiehe, tebang le ditatofatso tseno. Kgabagare, baeteledipele ba mokgatlho wa baagi - Public Interest SA ba re ba tshwenngwa ke go thapiwa ga ba setlamo sa Nexus Forensic Services, go batlisisa gore ke badiri ba ba feng ba ba begilweng bonweenwee ba kwa setheo sa GPAA.

MOTSWEDING FM-TSELE LE TSELE: Puisano le Commissioner kwa Human Rights Commission Nomahlubi Khwinana.
04:09

MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano malebana le mathata a go neela baagi ba dikgaolo tse di mo molelwaneng wa province ya North West le Northern Cape, metsi ka tshwanelo.
06:41

MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano malebana le go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ga Commissioner wa bosetshaba wa mapodise - General Fanie Masemola.
04:05