Tona wa matlole, Enoch Godongwana a re go dirisana ga bathati ba puso ya Afrika Borwa le bathati ba World Bank go botlhokwa thata. Seno se latela gore bathati ba World Bank ba swetse go adima bathati ba puso ya Afrika Borwa diranta di le 26.5 billion, gore ba kgone go baakanya meago le ditsela. Bathati ba World Bank ba re economy ya Afrika Borwa ga e gole - seno se tlhola dikgwetlho di akaretsa go oketsega ga palo ya batho ba ba sa direng. Ba re madi ano a tla thusa go tlhabolola meago go akaretsa tsa setlamo sa motlakase - Eskom, le tsa setlamo sa di-terena, Transnet. Bangwe ba baeteledipele ba mekgatlho ya baagi ba re ba tshwengwa ke gore bathati ba puso ba ka nna ba se dirise madi ano mo mabakeng a a maleba.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le mathata a kwa di-masepaleng tsa Free State.
12:04

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go okediwa ga tlhwatlhwa ya motlakase.
03:02

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le Exit Vetting mo lephateng la mapodise.
04:35