Mookamedi wa nakwana wa bosetshaba wa lephata le le batlisisang melato kgatlhanong le mapodisi, IPID - Thuso Keefelakae, a re ba tshwenngwa ke bopaki jo bo neelwang maloko a Madlanga Commission le maloko a Committee ya nakwana ya parliament, Ad Hoc Committee, malebana le mapodise a a dirang le digongwana tsa disenyi. Keefelakae a re go ya ka tshedimosetso e e neelwang ba Madlanga Commission, go nale melato e mentsi e ba tshwanelang go e batlisisa kgatlhanong le mapodise. Mookamedi wa lephata la mapodise la Crime Intelligence, General Dumisani Khumalo, o boleletse maloko a Madlanga Commission gore mapodise mangwe a duelwa gore ba bolaye batho kgotsa go dirisa dithunya tsa bona mo ditiragalong tsa go bolawa ga batho.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le go thusiwa ka matlole ga baithuti ba ba tlhokafetseng ke ba setheo sa NSFAS.
04:17

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le go okediwa ga dituelo tsa di-taxi .
04:21

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go okediwa ga tlhwatlhwa ya diesel e se go ya ka molao.
04:27