Baeteledipele ba African Union - AU, ba sweditse go sekega bathati ba naga ya Madagascar go mokgatlhong wa AU. Seno se latela go tlosiwa ga President Andry Rajoelina, yo ga jaana a tshabile kwa nagaeng eo. Go solofelwa fa moeteledipele yo montshwa e leng mookamedi wa masole, Colonel Michael Randrianirina, a tla tlhomiwa go nna President wa naga eo, kamoso. Go ya ka baitseanape ba merero ya Africa, mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng ke dinaga di feta lesome le botlhano mo continent ya Africa tse go nnileng le ditiragalo tsa go dirisa dikgoka go fetola go tsamaisiwa ga puso.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le dikgwetlho kwa maokelo le di-clinic tsa puso mo Province ya North West
06:33

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le letsholo la go fedisa ditiragalo tsa bonweenwee le go tsietsa kwa melelwane ya naga.
07:28

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le tshitshinyo ya ba EFF gore go nne le molao o ka ga go fedisa di-tender mo Afrika Borwa, Insourcing Bill.
14:35