Bangwe ba badiri ba ngongorega gore ba duela madi a le mantsi mo dipalangwa go ya tirong. Baagi ba re ga ba kgone go duela madi a dipalangwa go ya tirong gonne dituelo tsa bona di le dinnye. Go ya ka pegelo ya ba Gauteng City-Region Observatory, bangwe ba badiri ba tuelo ya bone e sa feteng diranta di le dikete di le thataro ka kgwedi, ba dirisa di-percent di feta masome a mane tsa madi a dituelo tsa bona, go duela dipalangwa di akaretsa di-taxi. Go sa le gale, Tona wa matlole Enoch Godongwana o ne a itsise gore ba tla simolola manaane a mangwe a go netefatsa fa baagi ba duela madi a mannye fa ba dirisa dipalangwa di akaretsa dibese. Godongwana a re batsamaisi ba dimasepala tse di farologaneng ga ba dirise matlole a Public Transport Network Grant, go thusa baagi ka dipalangwa jaaka Bus Rapid Transit System.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le go thusiwa ka matlole ga baithuti ba ba tlhokafetseng ke ba setheo sa NSFAS.
04:17

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le go okediwa ga dituelo tsa di-taxi .
04:21

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go okediwa ga tlhwatlhwa ya diesel e se go ya ka molao.
04:27