Motsweding FM - Dikgang Tsa SeshengMotsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano le moeteledipele wa Action SA - Herman Mashaba ka go neelwa ga ditirelo tsa boitekanelo go baditshaba

View descriptionShare

Motsweding fm - Dikgang Tsa Sesheng

test1
1,576 clip(s)
Loading playlist

Kelebogile Kgetse o buisana le moeteledipele wa lekoko la ActionSA, Herman Mashaba 

Commissioner wa Commission ya ditshwanelo tsa batho - SAHRC - Sandra Makoasha a re fa baagi ba ka tswelela go thibela baditshaba go neelwa ditirelo tsa boitekanelo mo nageng, seno se ka etegetsa mathata a malwetse a tshwana le TB le HIV. Baagi ba ba tshakgetseng go akaretsa,  baeteledipele ba makoko a sepolitiki le ba mekgatlho ya baagi ba ntse ba thibela baditshaba go neelwa ditirelo tsa boitekanelo kwa di-clinic le maokelo a farologaneng. Baagi ba re ga go maleba gore baditshaba ba amogele ditirelo tsa boitekanelo gonne seno se ama tekanyetsong ya bathati ba puso ya go neela baagi ditirelo. Commissioner Makoasha a re go thibela baditshaba go neelwa ditirelo tsa boitekanelo mo nageng ga go maleba go ya molaotheo wa naga gammogo le melao ya boditshaba e e ka ga go somarelwa ga ditshwanelo tsa batho. Baeteledipele ba lekoko la ActionSA ke bangwe ba makoko a sepolitiki mo nageng ba ba leng kgatlhanong le gore baditshaba ba neelwe ditirelo tsa boitekanelo.  

  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 2 playlist(s)

Motsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

Dikgang Tsa Sesheng. Brought to you by SABC News
Social links
Recent clips
Browse 2,061 clip(s)