Ba-nni-le-seabe mo lephateng la tsa dipalangwa mo province ya North West, ba akaretsa bathati ba lefapha la dipalangwa le baeteledipele ba mokgatlho wa badiri, SATAWU, ba ne ba kopano tebang le mathata a kwa setlamong sa dibese sa Atamelang. Batho ba dirisang dibese tsa Atamelang mo dikgaolong di akaretsa Mahikeng, Zeerust le Lichtenburg ba nale dikgwedi di ka nna supa ba sa di dirise. Batsamaisi ba setlamo ba dibese sa Atamelang ba nale tumelano le bathati ba lefapha la dipalangwa mo North West go neela baagi ka ditirelo tsa dipalangwa. Go ya ka ba lefapha, batsamaisi ba setlamo ba reteletswe ke go tsamaisa kgwebo sentle, le go neela baagi ditirelo go ya ka tumelano e ba naleng yona.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le molao o ka ga gore bathati ba lefapha la boitekanelo ba neelwe matlole a lekaneng, Special Appropriation Bill
15:27

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano le ba lekoko la Pan Africanist Congress of Azania, PAC malebana le gore ba batla go tlogela go dirisana le ba lekoko la ANC kwa di-masepaleng tsa kwa Gauteng.
03:14

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Re buisana le Mookamedi mo mererong e malebana le go tsamaisiwa ga dimasepala kwa mokgatlhong wa dimasepala, SALGA - Dorah Marema.
06:34