Motsweding FM - Dikgang Tsa SeshengMotsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano le leloko la Mayoral committee mo mererong ya matlo kwa The City of Tshwane - Aaron Maluleka.

View descriptionShare

Motsweding fm - Dikgang Tsa Sesheng

test1
1,578 clip(s)
Loading playlist

Sebueledi sa baagi ba kgaolo ya masepala wa City of Tshwane ba ba fudisitsweng kwa hostel ya Mamelodi kwa province ya Gauteng, dingwaga di le some le borataro tse di fetileng, Sepadi Makaung, a re batsamaisi ba masepala ba araba gore ke eng ba sa somareleng ditshwanelo tsa baagi, ba ga jaana ba dulang mo mekhukhung e sa siamang ka fa e agilwe ka Asbestos. Mo puisanong le Makaung mo thulaganyong o rile baagi ba feta makgolo a marataro ba nna mo mekhukhung e e agilweng ka didiriswa tsa asbestos. A re bangwe ba baagi ba lwala fa bangwe ba ba tlhokafetseng go belaelwa ba amilwe ke malwetse  a a golagangwang le asbestos. Makaung a re dingwaga di le lesome le bobedi tse di fetileng, bathati ba masepala ba ile ba simolola go aga foundation ya matlo. A re maswabi ke gore tiro ya go aga e eme. Re utlwa tsibogo ya batsamaisi ba masepala mo morerong ono.

  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 2 playlist(s)

Motsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

Dikgang Tsa Sesheng. Brought to you by SABC News
Social links
Recent clips
Browse 2,063 clip(s)