Mokhuduthamaga wa thuto kwa Eastern Cape - Fundile Gade, a re go sekega kgotsa go koba mo tirong barutabana le bagokgo ba ba amegang mo ditiragalong tsa go robala le barutwana kgotsa go batla go robala le barutwana, ga go thuse fedisa mathata ano. Gade o ne a bua seno kwa kopanong ya baagi le maloko a di-committee tse di farologaneng tsa parliament mo mererong ya bana, malebana le dipatlisiso tsa maloko a parliament go fedisa ditiragalo tsa go betelelwa ga bana. Maloko a parliament a tla buisana le baagi le bathati ba mafapha kwa diprovince tse di farologaneng, malebana le ditiragalo tsa go robala le go betelelwa ga bana.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go okediwa ga tlhwatlhwa ya diesel e se go ya ka molao.
04:27

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go oketsega ga tlhwatlhwa ya petrol le diesel.
12:31

MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano malebana le maano a ba Border Management Authority a go samagana le go tsena le go tswa ga batho kwa melelwaneng ya naga, ka paka ya malatsi a paseka.
07:18