Maloko a committee ya parliament e e ka ga merero ya bosiamisi le go babalesega ga baagi, ba re go fokodiwa ga tekanyetso ya mafapha a puso, go dira gore batlhankela ba ba dirang kwa melelwaneng jaaka mapodisi, masole le ba setheo seo ba tlhokomelang melelwane ya naga, Border Management Authority,BMA, ba seka ba dira tiro ya bone ka tshwanelo. Ba re ba tshwengwa ke dipego tsa gore baagi bangwe ba kwa nageng ya Lesotho ba nale makwalo a boitshupo a Lesotho le a Africa Borwa. Go begwa baditshaba bano ba Lesotho ba kgona go tla mo Africa Borwa go amogela madi a thuso a puso, social grants le di-SRD grant le ditirelo tsa boitekanelo.

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le Whistleblower Protection Bill.
06:01

MOTSWEDING FM-ITLHABE BOTLHALE: Puisano le Brown Mogotsi.
26:58

MOTSWEDING FM-ITLHABE BOTLHALE: Puisano le Ananias Ndlovu.
09:29