Maloko a di-committee tsa parliament di akaretsa e e ka ga merero ya dimasepala, e e ka ga go dirisiwa ga matlole a puso, SCOPA le ya borunyi, ba re ba tshwenngwa ke maemo kwa dimasepala tse di farologaneng tsa province ya North West. Maloko ano ba ntse ba le mo letsholong la go seka-seka maemo mo di-masepala tsa North West, mo bekeng eno. Monnasetilo wa committee ya parliament e e ka ga merero ya di-masepala, Zweli Mkhize, a re baagi ba le bantsi mo North West, ga ba neelwe ditirelo jaaka go tshwanetse ka ntlha ya dikgotlhang tsa sepolitiki. Kgabagare bathati ba puso ba sweditse go diragatsa Section 139-subsection 7 ya molaotheo kwa Masepala wa Ditsobotla.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le kgonagalo ya gore dithoto tsa Post Office di rekisiwe ka tsamaiso ya Liquidation
05:34

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le go oketsega ga palo ya badiri ba ba naleng mathata a gambling mo Afrika Borwa
04:01

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20