Mokhuduthamaga wa tsa dimasepala kwa Limpopo Basikopo Makamu o laetse Executive Mayor wa Polokwane John Mpe go mo neela pegelo, tebang le ditatofatso tsa go abiwa ga di-tender e se ka molaong go beng ba ditlamo bao a golaganngwang le ena. Go begwa beng ba ditlamo tseo gape ba golaganngwa le motsamaisi wa masepala, Thuso Nemugumoni. Go ya ka tshedimosetso e phasaladitsweng mo metsweding ya tlhaeletsano go sa le gale, ditlamo di le mmalwa tse beng ba tsona e leng baditshaba, di abetswe di-tender go tsweletsa di-project kwa masepala ka ngwaga wa matlole 2022/2023. Di-tender tseo ke tsa diranta di feta di-million di le kgolo-a supa. Legale Mpe a re ditatofatso kgatlhanong le ena ke go mo senya leina.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go romelwa ga masole kwa diprovince tse di farologaneng.
03:59

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Re buisana malebana le go seka-sekiwa sesha ga molao wa BBBEE
06:30