Kelebogile Kgetse o buisana le mokwaledi wa bosetshaba wa mokgatlho wa badiri ba dimasepala, SAMWU, Dumisane Magagula.
Tona wa matlole Enoch Godongwana a re o tla emisa go neela bathati ba di-masepala di le masome a mararo le robongwe, matlole a go tsweletsa di-project le manaane a a thusang mo go neeleng baagi ditirelo. Godongwana o kwaletse Tona wa dimasepala Velenkosini Hlabisi, a mo itsise ka seno. Godongwana a re go tswa go bathati ba dimasepala tse di amegang, ba le lesome le borobedi ba bona ba kolota ditheo tsa ditirelo tsa metsi jaaka Vaal Central, Magalies Water, Rand Water diranta di feta dibillion di le robedi. Tona Godongwana a re bathati ba dimasepala tse, ba amega gape mo go sa dueleng madi a badiri a pension kwa ba tshwanetseng go a isa gona. Ba kolota diranta di feta dimillion di le lekgolo-some-a-robongwe sa madi a lekgetho.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le kgonagalo ya gore dithoto tsa Post Office di rekisiwe ka tsamaiso ya Liquidation
05:34

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le go oketsega ga palo ya badiri ba ba naleng mathata a gambling mo Afrika Borwa
04:01

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20