Baagi ba kwa Jabulani kwa Soweto kwa province ya Gauteng ba re ga ba babalesega ka ntlha ya ditiragalo tse di oketsegang tsa batho ba ba tsewang ka dikgoka. Go ya ka dipalo tsa mapodise, go begilwe melato ya go tsewa ga batho ka dikgoka e feta masome a mane mo dikgweding di le tharo tsa ntlha tsa ngwaga eno, kwa station sa mapodise sa Jabulani. Palo eo e oketsegile ka melato e le lesome le botlhano fa go bapisiwa le yona paka eo ngwaga o fetileng. Mo tiragalong ya go sale gale, morutabana wa kwa sekolong sa Tetelo Secondary o nyeletse morago ga go tsewa ke koloi ya e-hailing. Setopo sa gagwe se ne sa bonwa morago ga beke.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le mathata a setlamo sa Post Office
04:52

MOTSWEDING: BORESETSE: Puisano malebana le go oketsega ga ditiragalo tsa go phasaladiwa ga ditshwantsho le di-video tsa bana, tse di golaganngwa le thobalano, mo metsweding ya Social Media.
03:58

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le ditiragalo tsa go tsewa ga batho ka dikgoka kwa province ya Gauteng.
15:23