Kelebogile Kgetse o buisana le Motlhankela yo mogolo wa tsa merero ya matlole kwa - Small Enterprise Development and Finance Agency, Molatlhegi Kgauwe.
Bangwe ba beng ba dikgwebo tse dinnye mo province ya North West ba ngongorega gore ga ba atlege fa ba dira dikopo tsa go thusiwa ka matlole kwa ditheong tse di farologaneng tsa puso. Beng ba dikgwebo tse dinnye ba ntse ba ngongorega fa ba kopana le baeteledipele ba lekoko la ANC. Baeteledipele ba ANC ba lekoko la ANC ba ntse ba buisana le baagi ba ba farologaneng mo province ya NorthWest ka dikgwetlho le mathata a bone. Kgabagare batlhankela ba setheo sa puso sa go thusa beng ba dikgwebo tse dinnye ka matlole - Small Enterprise Development and Finance Agency le ba letlole la Inyamazane Fund, ba tla kopana le beng ba dikgwebo tse dinnye kwa Ben Marais Hall kwa Rustenburg mo province ya North West gompieno(Friday 09/01/2026) go thusa beng ba dikgwebo tse dinnye ka tshedimosetso e e malebana le go dira dikopo tsa go thusiwa ka matlole a go dira dikgwebo. Re buisana le Motlhankela yo mogolo wa tsa merero ya matlole kwa - Small Enterprise Development and Finance Agency, Molatlhegi Kgauwe.