Kelebogile Kgetse o buisana le Sebueledi sa ba setheo se batlhankela ba sona ba dirang ka go sireletsa baagi kwa lewatleng - National Sea Rescue Institute - Andrew Ingram.
Batlhankela ba maphata a go babalesega ga baagi kwa dikgaolong tsa province tsa KwaZulu Natal le Western Cape, ba tsibosa batsadi go tlhokomela bana ba bona fa ba le kwa lewatle mo pakeng eno ya malatsi a bofelo ba ngwaga le a ngwaga o montshwa. Go begwa fa mo dingwageng tse di fetileng, bana ba feta makgolo a mararo ba timetse kwa lewatleng mo pakeng ya malatsi a bofelo ba ngwaga le a ngwaga o montshwa, bogolo-segolo kwa Durban North Beach.