Kelebogile Kgetse o buisana le Modulasetilo wa mokgatlho wa di-masepala, SALGA mo province ya North West, Khumalo Molefe.
Tona wa di-masepala Velenkosini Hlabisa o itsisitse batlhankela ba lefapha ba le barataro ba ba tla tsamaisang merero ya masepala wa Ditsobotla mo Province ya North West. Hlabisa a re batlhankela bano ba tla samagana le merero e akaretsa go thapiwa ga badiri ba masepala, go thapiwa ga beng ba ditlamo bao ba neelang ditirelo kwa masepala le go fedisa go thapiwa ga badiri go se mo molaong. Baagi ba ntse ba sa neelwe ditirelo ka tshwanelo ka ntlha ya mathata a a leng gona mo masepaleng. Bathati ba puso ya bosetshaba ba sweditse go dirisa Section 139-subsection 7 ya molaotheo, go tsamaisa merero ya masepala ono.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le boikuelo jwa gore Sisi Khampepe a tlosiwe mo maemong a go nna monnasetilo wa Khampepe Commission.
03:10

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go sengwa ga didiriswa tsa metsi kwa dikgaolong tsa masepala wa JS Moroka kwa province ya Mpumalanga.
04:07

MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano malebana le go emisa go neela baagi motlakase kwa di-masepala tse bathati ba tsone ba kolotang ba setlamo sa Eskom.
06:32