Kelebogile Kgetse o buisana le moeteledipele wa mokgatlho wa magosi, CONTRALESA - Kgosi Lameck Mokoena.
Tona wa merero ya setso, Velenkosi Hlabisa a re ba batla go netefatsa fa go sa nne le batho ba ba tlhokafalang kwa dikolong tsa go rupisa mo pakeng eno ya go rupisa ya setlha sa mariga. Tona Hlabisa o ne a bua seno fa a ne a itsise go simolola semmuso ga setlha sa go rupisa. A re batsamaisi ba dikolo tsa go rupisa ba tshwanetse ba dirise mekgwa e maleba go netefatsa gore ga gona batho ba ba tlhokofalang. Ngwaga o fetileng go tlhokafetse batho ba feta masome a robongwe, fa ba le lesome le bongwe ba gobetse mo dirweng tsa bonna. Batho ba le bantsi ba tlhokafetseng le go gobala kwa dikolong tsa go rupisiwa kwa province ya Eastern Cape le Free State.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go romelwa ga masole kwa diprovince tse di farologaneng.
03:59

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Re buisana malebana le go seka-sekiwa sesha ga molao wa BBBEE
06:30