Kelebogile Kgetse o buisana le Motsamaisi wa lenaane la go samagana le go anama ga HIV kwa lefapha la bosetshaba la boitekanelo, Nthabiseng Khoza.
Motlhankela mokhuduthamaga yo mogolo wa South African National AIDS Council, SANAC, Dr Thembisile Xulu, a re moento o montshwa wa Lenacapavir, o tla thusa go thibela go tshwaediwa ga batho ke HIV. Xulu o ne a bua kwa Kempton Park, gaufi le Johannesburg kwa conference ya ba SANAC, e ka ga go seka-seka gore go tshwaediwa ga batho ke HIV go ka fedisiwa jang. Go begwa fa moento ono o tla thusa go fokotsa palo e ntsi ya batho ba ba tshwaediwang ke HIV mo nageng. Dikgwedi di ka nna pedi tse di fetileng, bathati ba lefapha la boitekanelo ba amogetse diranta di le dimillion di feta makgolo a matlhano go tswa go ba Global Fund, go di dirisa mo mererong e akaretsa go neela ka moento ono.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le ba mokgatlho wa LASCA malebana le go sa kgotsofale ga bona ka tiro ya Executive Mayor wa The City of Tshwane, Nasiphi Moya.
04:43

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go duela batho badiri ba maloba ba kwa meepong ya Gauta ba ba tshwaeditseng ke Silicosis le TB
16:14

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano le mokwaledi wa bosetshaba wa mokgatlho wa barui, NALFASA - Nakana Masoka
04:29