Kelebogile Kgetse o buisana le leloko la committee ya parliament e e ka ga merero ya thuto ya di-University le di-College, Tshepo Louw.
Modulasetilo wa committee ya parliament e e ka ga merero ya thuto ya di-University le di-College, Tebogo Letsie a re ba amogela maina a batho bao ba tla tshitshinyang batho ba ba maleba go thapiwa mo maemong a badula-setilo ba di-board tsa di-SETA a a rometsweng ke tona wa thuto ya di-University le di-College, Nobuhle Nkabane. Maloko a committee a ne a kopa Tona Nkabane go ba neela maina ao go latela gore ba maphata a a farologaneng ba ngongorege ka badula setilo ba ba thapilweng kwa di board tsa SETA. Go ya ka Nkabane, batho ba ba tshitshinyang gore a ka thapa mang, ke Advocate Terry Motau, Asisipho Solani, Nelisiwe Semane, Mabuza Ngubane le Rhulani Ngwenya.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le ditiragalo tsa go tsewa ga batho ka dikgoka kwa province ya Gauteng.
15:23

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano tebang le puo ya ga Tonakgolo Panyaza Lesufi ya State Of the Province Address - SOPA
06:22

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le mathata a kwa di-masepaleng tsa Free State.
12:04