Kelebogile Kgetse o buisana le sebueledi sa ba NSFAS - Ishmael Mnisi
Baeteledipele ba mokgatlho wa beng ba mafelo a baithuti ba nnang kwa go one, Private Housing Student Association, ba re ba tla dira kopo kwa kgotlhatshekelo ya gore ba letlelelwe go tsaya matlole mo di-bank account tsa ba setheo sa matlole a baithuti - NSFAS fa ba sa duele sekoloto go maloko a bona. Baeteledipele ba Private Housing Student Association ba re ba NSFAS ba kolota maloko a bona diranta di feta dimillion di le masome a marataro , e leng dituelo tsa go simolola ngwaga o fetileng. Batlhankela ba NSFAS ba re ba ntse ba fokotsa sekoloto seno.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go romelwa ga masole kwa diprovince tse di farologaneng.
03:59

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Re buisana malebana le go seka-sekiwa sesha ga molao wa BBBEE
06:30