Kelebogile Kgetse o buisana le Motlatsa tona wa merero ya basadi, Mapaseka Letsike.
Motlatsa tona wa merero ya basadi, Mapaseka Letsike a re go nale mabaka a le mantsi a dirang gore basadi ba le bantsi ba seka ba thapiwa. Go ya ka dipalo tsa ba Statistics South Africa, mo dingwageng di le lesome tse di ntse di feta, go ntse go thapiwa palo e nnye ya basadi go nale palo e ntsi ya banna. Motlatsa-tona Letsike a re mo kgweding eno ya basadi, ba tla seka-seka maano a go thapiwa ga basadi mo maphateng a a farologaneng. Letsike a re mo dingwageng di le some a mararo tsa puso ya Democracy, bathati ba puso ba ntse ba samagana le dikgwetlho tse basadi ba naleng tsone tse di akaretsang go sa thapiwa ga palo e lekaneng ya basadi mo ditirong tsa maphata a farologaneng.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le ditshwaelo tsa ga Ambassador wa America mo Afrika Borwa - Leo Brent Bozell
05:54

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le molao wa go fedisiwa ga di-tender mo Afrika Borwa
05:28

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le batho ba ba tshwerweng malebana le madi a Insurance kwa Limpopo.
02:09