Kelebogile Kgetse o buisana le moeteledipele wa lekoko la DA kwa province ya Gauteng, Solly Msimanga.
Executive Mayor wa The City of Johannesburg, Dada Morero a re ba ipaakanyeditse kopano ya bathati ba dinaga tse eleng maloko a G20 mo dikgweding di le tharo tse di tlang. Morero a re ba baakanya ditsela le didiriswa tsa go neela baagi ditirelo jaak metsi. Morero o ikuela go mapodise go tswelela ka matsholo a go fedisa bosinyi. Kgabare, baeteledipele ba lekoko la Democratic Alliance, DA kwa province ya Gauteng ba re ga ba dumele fa batsamaise ba masepala wa The City of Johannesburg ba tlabo ba ipaakantse fa kopano ya G20 e simolola. Baeteledipele ba DA, ba ne ba bua le babega-dikgang ka matshwenyego a bona tebang le seno.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go romelwa ga masole kwa diprovince tse di farologaneng.
03:59

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Re buisana malebana le go seka-sekiwa sesha ga molao wa BBBEE
06:30