Motsweding FM - Dikgang Tsa SeshengMotsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano ka dintlha tse di malebana le go dira ga molao wa thuto - BELA.

View descriptionShare

Kelebogile Kgetse o buisana le sebueledi sa ba mokgatlho wa barutabana - NAPTOSA - Kgomotso Hans

Baeteledipele ba mekgatlho ya barutabana ba re ba amogela dintlha tse di malebana le go dira ga molao wa thuto - BELA.  Ba re ba dumela le gore bana botlhe ba kwadisiwe kwa dikolong, le fa ba sena makwalo a a maleba. Tona wa thuto,Siviwe Gwarube, o ne go sa le gale a itsise ka dintlha tse dintshwa mo BELA, le go letla baagi le ba-nni-le-seabe mo go tsa thuto go tshwaela. Dintlha tseo di akaretsa ya gore bana botlhe ba ba leng dingwaga tse di maleba go tsena sekolo, ba nale tshwanelo ya go kwadisiwa kwa dikolong le fa ba sena makwalo a a maleba. Baagi le banni-le-seabe ba filwe sebaka sa malatsi a le lesome go tshwaelo mo dintlheng tse di ka ga BELA. 

  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 2 playlist(s)

Motsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

Dikgang Tsa Sesheng. Brought to you by SABC News
Social links
Recent clips
Browse 2,028 clip(s)