Kelebogile Kgetse o buisana le sebueledi sa ba lephata la pharakano kwa masepala wa The City of Ekurhuleni, Lieutenant Colonel Kelebogile Thepa
Batsamaisi ba masepala wa The City of Ekurhuleni ba re ba tla rekisa kwa auction dikoloi di feta lekgolo le masome a supa, fa beng ba tsona ba sa tle go di tsaya kwa mafelong a go bewang dikoloi tse di gapilweng ke batlhankela ba masepala. Go begwa fa dikoloi tseo di gapilwe ke batlhankela ba lephata la pharakano ba masepala ka ntlha ya mabaka a akaretsa go tlogelwa sebaka mo thoko ga tsela, le go nna mo maemong a sa siamang go ka kgweediwa. Batsamaisi ba masepala ba re go ya ka molao, fa beng ba dikoloi tse di gapilweng ke batlhankela ba lephata la pharakano ba masepala ba sa tle go di tsaya mo dikgweding di le nne, dikoloi tseo di ka rekisiwa ka mokgwa wa auction.