Kelebogile Kgetse o buisana le sebuledi sa Parliament, Moloto Mothapo.
Maloko a kokoano ya bosetshaba ba amogela go fetolwa ga melao mengwe ya kokoano ya bosetshaba, e e akaretsang go tlhamiwa ga committee e ntshwa e maloko a yona a tla elang tlhoko tiro ya batlhankela kwa Office ya President. Ke maloko a lekoko la uMkhonto WeSizwe fela ba ba sa amogeleng go tlhamiwa ga committe eno. Maloko a kokoano ya bosetshaba a dumelana gore go tlhamiwa committee eno morago ga go amogela pegelo ya maloko a committee ya parliament e e malebana le go fetolwa ga melao ya kokoano ya bosetshaba.