Kelebogile Kgetse o buisana le sebueledi sa baagi ba kwa kgaolong ya Ward kwa Tshwane, Sepadi Makaung.
Baagi ba ba tshakgetseng ba ba neng ba tlosiwa ke batsamaise ba masepala wa City of Tshwane kwa hostel ya Mamelodi kwa province ya Gauteng, dingwaga di le some le borataro tse di fetileng, ba re ba santse ba letetse go agelwa matlo. Baagi bano ba re mekhukhu e ba neilweng gore ba dule mo go yona nakwana ka fa ba tla agelwa matlo,ga ya siama gonne e agilwe ka didiriswa tsa asbestos. Ba ikuela go batlhankela ba commission ya ditshwanelo tsa batho, SAHRC go ba thusa gore ditshwanelo tsa bona tsa go nna mo matlong a a siameng di somarelwe.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go romelwa ga masole kwa diprovince tse di farologaneng.
03:59

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Re buisana malebana le go seka-sekiwa sesha ga molao wa BBBEE
06:30