Kelebogile Kgetse o buisana le Motlatsa-tona wa merero ya metsi,Sello Seitlholo.
Motlatsa-tona wa merero ya metsi, Sello Seitlholo a re mafelo a le mantsi a go phephafatswang metsi kwa one kwa province ya Limpopo, ga a dire sentle. Motlatsa tona a re go sa dire sentle ga mafelo a go phepafatsa metsi kwa Limpopo, go dira gore go dirisiwe madi a mantsi go phephefatsa. Seitlholo a re baagi ba feleletsa ba sa neelwe metsi ka tshwanelo le go duela madi a mantsi go a fitlhelela. Seitlholo o ne sekaseka mathata a metsi kwa dikgaolong tsa masepala wa Mogalakwena le wa Greater Giyani kwa province ya Limpopo.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le ditiragalo tsa go tsewa ga batho ka dikgoka kwa province ya Gauteng.
15:23

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano tebang le puo ya ga Tonakgolo Panyaza Lesufi ya State Of the Province Address - SOPA
06:22

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le mathata a kwa di-masepaleng tsa Free State.
12:04