Kelebogile Kgetse o buisana le Motlatsa-tona wa merero ya metsi,Sello Seitlholo.
Motlatsa-tona wa merero ya metsi, Sello Seitlholo a re mafelo a le mantsi a go phephafatswang metsi kwa one kwa province ya Limpopo, ga a dire sentle. Motlatsa tona a re go sa dire sentle ga mafelo a go phepafatsa metsi kwa Limpopo, go dira gore go dirisiwe madi a mantsi go phephefatsa. Seitlholo a re baagi ba feleletsa ba sa neelwe metsi ka tshwanelo le go duela madi a mantsi go a fitlhelela. Seitlholo o ne sekaseka mathata a metsi kwa dikgaolong tsa masepala wa Mogalakwena le wa Greater Giyani kwa province ya Limpopo.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le mathata a setlamo sa Post Office
04:52

MOTSWEDING: BORESETSE: Puisano malebana le go oketsega ga ditiragalo tsa go phasaladiwa ga ditshwantsho le di-video tsa bana, tse di golaganngwa le thobalano, mo metsweding ya Social Media.
03:58

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le ditiragalo tsa go tsewa ga batho ka dikgoka kwa province ya Gauteng.
15:23