Kelebogile Kgetse o buisana le mokwaledi wa bosetshaba mo mererong ya basadi kwa mokgatlho wa badiri ba meepo N.U.M, Nthabiseng Mashiteng.
Basadi ba e leng badiri kwa Kopanong Gold Mine gaufi le Klerksdorp mo provinc ya North West ba ikuela go bathati ba puso le batlhankela ba commission ya ditshwanelo tsa batho, go ba thusa ka fa ba re ditshwanelo tsa bona ga di somarelwe kwa tirong. Basadi bano ba re fa ba tswa go dira ka fa tlase ga lefatshe, batlhankela ba tshireletso ba ba apola go ba phuruphutsa go tlhola gore ga ba utswa sepe. Ba re batlhankela ba tlhola gore a ga ba tsenya gauta mo serweng sa bona sa bosadi. Kgabagare baeteledipele ba mokgatlho wa badiri ba moepo- N.U.M ba tlhatlhetse ngongorego kwa kgotlhatshekelo tebang le tiragalo eno.

MOTSWEDING FM-ITLHABE BOTLHALE: Puisano le Prudence Moiloa.
06:07

MOTSWEDING FM-ITLHABE BOTLHALE: Puisano le Kagiso Kaebis.
04:23

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puo Phaa ka maemo kwa moepong wa Ekapa Minerals kwa Kimberly.
38:36