Basha ba feta masome a mararo ba ba nnileng le seabe mo lenaaneng la ba lefapha la dipalangwa kwa Northern Cape la Traffic Trainees, ba re ba santse ba letile go thapiwa jaaka bathati ba lefapha ba ne ba ba solofeditse. Basha ba le masome a matlhano ba ne ba kwadisiwa go nna le seabe mo lenaaneng leno kwa Matjhabeng Traffic Training Academy kwa Welkom, ngwaga o fetilenga. Basha ba ba ngongoregang ba re ba feditse go katisiwa dikgwedi di le pedi tse di fetileng, fela bathati ba lefapha ba ile ba ba bolelela gore ga gona kwa ba ka thapiwang teng ga jaana. Bathati ba lefapha la dipalangwa kwa Northern Cape ba neetswe tekanyetso ya diranta di le dimillion di feta some le borobongwe go thapa batlhankela ba pharakano ba le masome a matlhano mo ngwageng ono wa matlole wa 2025/2026.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le boikuelo jwa gore Sisi Khampepe a tlosiwe mo maemong a go nna monnasetilo wa Khampepe Commission.
03:10

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go sengwa ga didiriswa tsa metsi kwa dikgaolong tsa masepala wa JS Moroka kwa province ya Mpumalanga.
04:07

MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano malebana le go emisa go neela baagi motlakase kwa di-masepala tse bathati ba tsone ba kolotang ba setlamo sa Eskom.
06:32