Kelebogile Kgetse o buisana le sebueledi sa ba lefapha la bosetshaba la merero ya badiri, Tebogo Thejane
Baeteledipele ba lekoko la Democratic Alliance kwa province ya Northern Cape ba ikuela go tona wa merero ya badiri - Nomakhosazana Meth go thusa go rarabolola ka bonako go sa duelweng ga ba basha ba leng mo lenaaneng la go katisetswa tiro kwa masepala wa Dikgatlong. Ba setheo sa madi a batho ba sa tlholeng ba dira, UIF ke bona ba thusang ka matlole mo lenaane leno. Basha ba kwa dikgaolong tsa Barkley West Longlands, Delportshoop, le Gong Gong ba nale seabe mo lenaaneng la go katisetswa tiro ya balemi le barui. Beke e fetileng basha bano ba ne ba dira ditshupetso ba ngongorega gore ke dikgwedi di le pedi ba sa duelwe.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le ditiragalo tsa go tsewa ga batho ka dikgoka kwa province ya Gauteng.
15:23

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano tebang le puo ya ga Tonakgolo Panyaza Lesufi ya State Of the Province Address - SOPA
06:22

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le mathata a kwa di-masepaleng tsa Free State.
12:04