Motsweding FM - Dikgang Tsa SeshengMotsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Basha ba kwa Northern Cape ba nale dikgwedi di le pedi ba sa amogele dituelo tsa Agriculture Learnership

View descriptionShare

Kelebogile Kgetse o buisana le sebueledi sa ba lefapha la bosetshaba la merero ya badiri, Tebogo Thejane

Baeteledipele ba lekoko la Democratic Alliance kwa province ya Northern Cape ba ikuela go tona wa merero ya badiri - Nomakhosazana Meth go thusa go rarabolola ka bonako go sa duelweng ga ba basha ba leng mo lenaaneng la go katisetswa tiro kwa masepala wa Dikgatlong. Ba setheo sa madi a batho ba sa tlholeng ba dira, UIF ke bona ba thusang ka matlole mo lenaane leno. Basha ba kwa dikgaolong tsa Barkley West Longlands, Delportshoop, le Gong Gong ba nale seabe mo lenaaneng la go katisetswa tiro ya balemi le barui. Beke e fetileng basha bano ba ne ba dira ditshupetso ba ngongorega gore ke dikgwedi di le pedi ba sa duelwe. 

  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 2 playlist(s)

Motsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

Dikgang Tsa Sesheng. Brought to you by SABC News
Social links
Recent clips
Browse 2,072 clip(s)